Dikgwa di laolelwa batho mme re tlhoka go tlhama tikologo e e dirang tlhabololo ya ikonomi le loago ka dikgwa tse di tswelelang go nna teng, segolobogolo mo maemong a selegae"
Ponelopele e kaya eng?
Dikgwa di laolelwa batho
Ponelopele e baya batho, matshelo, maatla le ditšhono tsa tlhabololo ya bona jaaka motheo wa tlamelo ya ditirelo tse di tla thusang go fokotsa botlhoki.
Re tshwanetse go tlhama
Re tlhagisa DWAF jaaka setheo se se etelelang pele mo go tlhameng tikologo e e nang le tlhabololo ya ikonomi le loago ka dikgwa tse di tswelelang go nna teng. Se se akaretsa bao ba dirang ka tlhamalalo mo maemong a tsa dikgwa (kwa Kantoro Kgolo le maemo a Ditlhopha) le badiri ba bangwe ka kakaretso ba setheo sa DWAF ba diabe le maikarabelo a bona di amang tiriso ya tikologo.
Tiriso ya tikologo mo tlhabololong ya ikonomi le loago
E lebelela ka moo pholisi le peomolao tse di maleba di rotloetsang ditlhagiswa tse di siameng tsa batlhoki, ka moo ditsamaiso tse di amanang le se tsa birokerasi di ka fitlhelelwang le gore di dirilwe jang, le gore sebopego le tsamaiso ya mebaraka mo ditlhokegong tsa baungwisi ba e leng gone ba simololang kgotsa ba ba ntshang dikumo tse dinnye.
Ya tlhabololo ya ikonomi le loago
E akaretsa ditsela tse mmalwa tseo botsamisi jwa dikgwa (le ditsamaiso tse dingwe tse di tsamaelanang) bo ka amang maphata a a farologaneng a tlhabololo ya ikonomi le loago jaaka karolo ya tsamaiso ya go lwantsha botlhoki. Se se akaretsa lotseno le maemo a mangwe a loago a botlhoki le kgonagalo ya dingwa ya go tokafatsa matshelo.
Ka Dikgwa tse di tswelelang go nna teng
Gore tlhabololo ya loago, ikonomi le tikologo ya dikgwa tse di tswelelang go nna teng e nne mokgwa oo re o dirisang go fedisa botlhoki.
Segolobogolo mo maemong a selegae
E lebile go kopanya mokgwa wa "dikgwa tsa batho" mo thulaganyong, tsa ditšhelete le ditsamaiso tsa go tsenyatirisong ga ditheo tsa tirelo tsa go diragatsa mo maemong a selegae.
